Acts 16

Timotheo o tsamaya le Paulo le Silase

1Paulo le Silase ba simolola pele ba ya kwa Derebe ba bo ba ya kwa Lusetera kwa ba neng ba kopana le Timotheo teng, modumedi yo mmaagwe e neng e le Mokeresete wa Mojuta, mme rraagwe e le Mogerika.

2Timotheo o ne a kaiwa fa a le motho yo o siameng mo Lusetera le mo Ikonio, 3Jalo Paulo a mo kopa go tsamaya nabo mo loetong lwa bone. Ka ntlha ya Bajuta ba Kgaolo eo, o ne a rupisa Timotheo pele ga ba tsamaya, gonne mongwe le mongwe o ne a itse gore rraagwe e ne e le Mogerika. (Mme o ne a ise a ke a letlelele selo seo pele).

4Mme ba tsena motse le motse, ba itsise mogopolo o kaga Badichaba, jaaka go ne go laotse baaposetoloi le bagolwane kwa Jerusalema.

5Mme phuthego ya gola letsatsi le letsatsi mo tumelong le mo palong.

6Mme morago ga moo ba ralala Feregia le Galatia, gonne Mowa O O Boitshepo o ne o ba boleletse gore ba seka ba tsena mo Asia. 7Mme erile ba tsamaya mo molelwaneng wa Misia ba leba kwa borwa kwa kgaolong ya Bithinia, mme gape Mowa wa ga Jesu wa gana. 8Mme mo boemong jwa moo ba tswelela ba tsena mo kgaolong ya Misia go ya kwa motseng wa Toroase.

9Bosigo joo Paulo a bona ponatshegelo. Mo torong ya gagwe o ne a bona kwa Masedonia, Mogerika, a mo rapela a re, “Tla kwano o re thuse.” 10Jalo mo ga siamisa kgang. Mme ba re, re tlaa ya kwa Masedonia, gonne re lemoga gore Modimo o re roma go ya go rera Mafoko a a Molemo teng.

Paulo o rera kwa Filipi

11Mme re ne ra palama mokoro kwa Toroase, ra tlhamalala ra kgabaganyetsa kwa Samatharase, mme letsatsi le le latelang ra ya Neapolise. 12Mme la bofelo ra tsena mo Filipi, motse mogolo wa Ba-Roma fela mo teng ga molelwane wa Masedonia, ra nna teng malatsinyana.

13Ka letsatsi la Sabata, ra tsamaela kgakajana kwa ntle ga motse fa lotshitshing lwa noka kwa re neng re utlwaletse fa bangwe ba rakanela teng go rapela; mme re ne ra ruta basadi bangwe dikwalo ba ba neng ba tla.

14Mongwe wa bone e ne e le Lidia, mosadi wa morekisi go tswa kwa Thiatira, mmapatsi wa letsela le le bohibidu jo bo mokgona. E ne e ntse e le morapedi wa Modimo gale, mme ya re a re reeditse, Morena a bula pelo ya gagwe mme a amogela gotlhe mo Paulo o neng a go bua. 15O ne a kolobediwa le botlhe ba ntlo ya gagwe a bo a re kopa go nna baeng ba gagwe. O ne a re, “Fa lo dumela gore ke a ikanyega mo Moreneng, tlang lo nne kwa tlung ya me.” Mme o ne a re kopa go fitlhela re dumela.

Paulo le Silase kwa kgolegelong

16Letsatsi le lengwe fa re ya kwa felong ga thapelo fa thoko ga noka, ra kopana le mosetsana mongwe yo o neng a na le mewa e e maswe yo o neng a bolela dilo tsa boitseanape, a direla beng ba gagwe madi a mantsi. 17O ne a re sala morago a goa a re, “Banna ba ke batlhanka ba Modimo mme ba tsile go lo bolelela gore dibe tsa lona di ka itshwarelwa jang.”

18Mme mo go ne ga tswelela ka malatsi a le mantsi go fitlhela Paulo, ka go tshwenyega thata, a bo a tla a bua le mowa o o maswe o o mo go ene a re, “Ke a go laola ka leina la ga Jesu Keresete go tswa mo go ene,” ka bonakonyana wa mo tlogela.

19Mme ditsholofetso tsa beng ba gagwe tsa khumo tsa fela; ba tshwara Paulo le Silase ba ba gogela fa pele ga baatlhodi kwa borekisetsong.

20
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Ditiro 16:21.
21
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Ditiro 16:20-21.
Mme ba ne ba re, “Bajuta ba, ba senya motse wa rona, ba ruta batho go dira dilo tse di kgatlhanong le melao ya Se-Roma.”

22Mme ka bonako batho ba nna kgatlhanong le Paulo le Silase, mme baatlhodi ba laola gore ba apolwe diaparo ba kgwathisiwe. 23Ba ne ba itewa thata mo mekwatleng mme morago ba tsenngwa mo kgolegelong. Motlhokomedi wa kgolegelo o ne a solofediwa loso fa a ka ba lesa, 24mme jalo ga a ka a tshameka fa a sena go laiwa, o ne a ba tsenya mo ntlwaneng e e kwa teng mme a bofelela maoto a bone mo disaneng.

25Ka nako ya bosigogare, fa Paulo le Silase ba ntse ba rapela ba bile ba opelela Morena difela, magolegwa a mangwe a ne a reeditse, 26ka tshoganetso ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; kgolegelo ya tshikinyega go ya go fitlha kwa motheong, ditswalo tsotlhe tsa kgolegelo tsa bulega, mme dikeetane tsotlhe tse di neng di bofile magolegwa tsa bofologa.

27Mme erile fa motlhokomedi wa kgolegelo a tsoga a bona dikgoro tsa kgolegelo di bulegile, a gopola gore magolegwa a siile, mme a ntsha chaka ya gagwe a re o a ipolaya.

28Mme Paulo a goa a re, “Se ipolaye re teng rotlhe!”

29Ka go tshoga thata, motlhokomedi wa magolegwa a laola gore dipone di tle mme a tabogela kwa ntlwaneng e e kwa teng a feta a wela fa pele ga ga Paulo le Silase. 30O ne a ba ntshetsa kwa ntle mme a ba kopa a re, “Barena, ke ka dirang gore ke bolokwe?” 31Ba mohetola ba re, dumela mo go Morena Jesu mme o tlaa bolokwa, wena le bantlo ya gago.

32Mme ba ne ba mmolelela le botlhe ba ntlo ya gagwe mafoko a a molemo a a tswang kwa Moreneng. 33Ka yone nako eo a ba tlhatswa dintho mme ene le ba lwapa lwa gagwe ba kolobediwa. 34Mme a ba isa kwa tlung ya gagwe a ba fa dijo. Ene le bantlo ya gagwe ba ne ba ipela thata ka gonne botlhe jaanong e ne e le badumedi! 35Moso o o latelang baatlhodi ba romela mapodisi go bolelela motlhokomedi wa kgolegelo jaana, “Tlogela banna bao ba tsamaye!” 36Mme motlhokomedi o ne a bolelela Paulo gore ba golotswe.

37Mme Paulo a fetola a re, “Nnyaa, ga ba ka ke! Ba re iteile fa pele ga batho kwa ntle ga go sekisiwa, ba bo ba re tsenya mo kgolegelong le gone re baagi ba Roma! Jaanong ba batla gore re tsamaye ka sephiri? Ga go nne jalo! A go tle bone ba tle go re golola!”

38Mme barongwa ba mapodisi ba ya go bolelela baatlhodi ba ba neng ba boifa thata fa ba utlwa gore Paulo le Silase ke Ba-Roma. 39Mme jalo ba tla fa kgolegelong ba ba kopa gore ba tsamaye, ba ba ntshetsa kwa ntle ba kopa gore ba tswe mo motseng. 40Mme Paulo le Silase ba boela kwa tlung ya ga Lidia kwa ba neng ba kopana le badumedi mme ba ba rerela gape pele ga ba tswa mo motseng.
Copyright information for TsnLEF